Dibatana di gabuka leruo kwa Boteti

MARULAMANTSI: Barui ba meraka e e gaufi le meepo ya Orapa le Karowe kwa kgaolong potlana ya Boteti, ba lela ka madi a tletse ganong ntateng ya se ba se bitsang meleko ya ga saatane, ka ntlha ya gore dibatana dingwe e bong nkwe le thwane di gaketse ka go bolaya leruo la bone, mo jaanong ba setseng ba ikutlwa tatlhego.

E re ka phefo e se moloba mafoko, Naledi e ne ya utlwalela ka ga tshenyo e e dirwang ke dibatana mme Mmegadikgang wa Naledi o ne a etela meraka e e farologanyeng e leng Marulamantsi, Mohisenyane,Yuutshaa, Tshwanyane, Nxeekhudi le Tlharedintle. Ka nnete Naledi e ne ya fitlhela e le gore barui ba koo ba tshelela mo selelong le khuranyo ya meno ka ntlha ya go senyetswa ke dibatana segolojang nkwe le thwane.

Barui ba boleletse Naledi ba tletse kutlobotlhoko gore maiteko a bone a go itshetsa jaanong a fetoga matsapa a lefela ka ntlha ya dibatana tse di lesotlo. Ba re dibatana tseo di bolaya thata dinamane le dihutshane ka palo e e tsitsibanyang mmele. Rre Keletso Ketshabetswe wa moraka wa Mohisenyane a re e rile mo dibekeng tse pedi tse di fetileng nkwe ya bolaya dipodi tsa gagwe di le lesome le botlhano mo letsatsing le le lengwe mme le gompieno o nna a solofetse mahutsana fela.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up