Mmualebe

Go botoka lefe?
Ba re puso e tlhomile mananeo mangwe a ka one e lekang go namola Batswana lehuma. Bangwe ba batho ba, ke bagwebi ba ba botlana ba ba rekisang dijo tse di buduleng. Ba bangwe ba rekisa dilwana tse ba di iterelang mo gae jaaka diaparo fa bangwe bone e le balogi ba dilo tsa Setswana jaaka ditlatlana le ditshelo.

 
Go leka go thusa batho ba, puso e ne ya letla gore bangwe ba ka rekisa kwa dikagong (diofisi) tsa yone, bangwe ba rekisa gaufi le dikole.  E re le mororo se e ne e le mogopolo o montle, o o neng o ka isa batho golo gongwe, ga go lebege o ne wa tswelela o ntse o ntse jalo.Fela jaaka Motswana a a tle a re 'Masi a kgomo thobeng ke tswa ke le phepa selabe se tla le motsaakgamelo,' golo gongwe selabe se ne sa tsena.

Ka selabe ke selo se se maswe, se se sa rategeng gope mo dilong tse dintle, batho bangwe ba lemoga seo mme ba se ka ba se itumelela.  Mongwe wa batho bao, go bolelwa e le tona ya Thuto, Pelonomi Venson-Moitoi, yo go tweng e rile bosheng a lela ka batsadi ba ba rekisetsang bana dilo dingwe tse e seng tsone.Ga twe tona o ntshitse selelo sa gagwe mo phuthegong nngwe e e neng e tshwerwe kwa Lerala kwa Tswapong, a lela ka batho ba ba rekisetsang bana ditagi, dingwe tsa tsone e le motokwane. 

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up