Tshutshuu�Kgosikgolo o feela botlhoko jang banna!
Wednesday, August 19, 2015
Kgosi Lotlamoreng a itumeletswe ke balatedi ba UDC morago ga go tswapetsa Molale le Maruping
Mabaka a bone e le gore ba tlotla kgosikgolo ya bone. Mme se jaanong se ipoeleditse kwa kgaolong ya botlhophi ya Goodhope/Mabule kwa morafe wa Morolong le one o ganeditseng Domkraga le Khama ka go tlhopha kgosikgolo ya bone. Mme ebile ene a leditse moretlwa o o botlhoko thata mo go bontlhopheng ba bangwe ebong Eric Molale wa BDP le Comfort Maruping wa Mogobagoba (BCP), ba bo ba kua ba re tshuu, eishii Kgosikgolo e feela botlhoko jang banna! Morago ga go laela ga mopalamente wa pele wa kgaolo e, James Mathokgwane wa Sekhukhu (UDC) dikgwedi di le pedi tse di fetileng, go ne ga utlwala fa phathi ya Domkraga e ne e dumela gore morago ga go sa dira sentle ka moemedi wa yone Kitso Mokaila ngwaga e e fetileng, se jaanong ke sebaka sa go busetsa kgaolo e mo diatleng tsa beng ba yone.
Domi e ne e dumela gore fa ba romile Eric Molale go ema, ga gona jaaka ba ka tlhoka go fenya kgaolo e, ba mmolelela ka fa e leng mmantswitswidi wa ditiro ka go farologana ka teng, ebile le tsone dithuto tsa gagwe le maemo mo tshabeng ya Batswana ba di bolela thata. Le fa ba utlwa gore diphathi tsa Sekhukhu di thiba phatlha ya ga Mathokgwane ka monga mmu, mong wa morafe Kgosikgolo Lotlaamoreng Montshioa II, Domi ba tswelela ba bolela fa ba ya go gapa kgaolo e bonolo. Go ne ga thunya lerole beke e e fetileng jaaka Domi e ne e tsere gotlhe go kampa kwa kgaolong e ya botlhophi. Ba ne ba pentile gongwe le gongwe ka mebala ya phathi ya bone, eleng bosweu le bohibidu, bogogi jwa phathi le jone bo le koo. Dipuo go buiwa tsa gore kgaolo e ke ya Domi, mathata e ne ya nna gore maDomi ba ne ba dira phoso ngwaga e e fetileng ka nako ya ditlhopho, mabaka gotwe e ne e le gobo go ne go na le makgamu a a lwang botlhoko.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...