Thuto ga e golelwe

O buile Motswana a re thuto ga e golelwe, mme mafoko a gagwe ga a ise a wele fa fatshe. Maloba gone gona le lephata le bidiwa la Thuto ga e golelwe, le ka jaanong le fetotseng leina la lone.

Se ga se kgang, mme se se botlhokwa ke go re re lemoge fa lekalana leo le santse lele botlhokwa thata mo matshelong a rona. Bangwe ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong fa ba kgothaletswa go tsenelela lenaneo le, fa bangwe bone ba  kgonne go fitlhelela ditoro tsa bone tsa go itse go bala le go kwala. Jaanong, a re lebeng makalana a mangwe jaaka a BOCODOL, le botlhokwa ja nna teng ga one.

Re leka go kgothatsa Batswana gore, fela jaaka bontsi jwa rona re sa kgona go falola mephato ya rona ya dikole tse di kgolwane, go botlhokwa gore Batswana ba inaakanye le sekole se sa BOCODOL, gore mogang ba amogelwang teng, ka dithuto dipe fela tse ba eletsang go tsenelela, ba fitlhelele katlego.

Editor's Comment
Let's show compassion to baby Asli

Her story is heartbreaking not only because she is fighting for her life at such a tender age, but because her parents have spent months navigating a medical journey filled with uncertainty, delays, and rising fear.What began as something that seemed as simple as jaundice has escalated into a life-threatening condition that now requires an urgent liver transplant.For Asli’s parents, the reality is devastating. They are not asking for luxuries...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up