Setswana se a nyelela

Mogae
Mogae

Batswana bangwe ba supile matshwenyego mabapi le seemo se ba kayang fa Batswana bangwe ba seng motlotlo ka go bala, go bua le go kwala Setswana. Motlhatlhelela dithuto kwa Mmadikolo (UB) Prof. Lydia Nyathi-Saleshando o supile mo mokwalong wa gagwe wa, ‘Minority Language Use and Early Educational Hurdles in Botswana’, gore lefa Setswana ele puo e Batswana ba e anywileng, bontsi jwa bone ga ba e dirise ka botlalo, ka jalo go beye bana ka fa mosing mme ba felele ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone tsa sekolo se se potlana.

Nyathi-Saleshando a re bontsi jwa Batswana ba setse ba tsaya Setswana ele teme ya bobedi morago ga sekgoa, ka le kwa malwapeng ba sa e bue thata. O boletse gape mo mokwalong wa gagwe fa go le botlhokwa go sekaseka bokgoni jwa moithuti yoo buang diteme di sele jaaka sekgoa kwa malwapeng, le gape yoo buang Setswana kwa lwapeng.

 O tsweletse a re bana ba ba goletseng mo malwapeng a go buiwang Setswana ba felela ba dira botoka mo dithutong tsa go kwala Setswana, mme go bua le go bala Setswana gone go tswelele ele kgwetlho mo go bone, bogolosegolo ba ba dirang lokwalo la borarato.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up