Nyalo ga se papadi � kgaolo 2

Beke e e fetileng, polelo e khutlile Hendrick Letshwiti a ne kopile kgotlakgolo la Setswana kwa Mochudi go mo fa sebaka sa go oketsa melato e mesha ya go akaretsa Tlamelo Moagi le batsadi ba gagwe ebong Dolly Moagi le Pilane Ditshweneng, ka ke bone ba amogetseng madi a bogadi go tswa mo batsading ba gagwe.

Letshwiti a re, o dira se ka gore mosadi wa gagwe Tlamelo o tsene mo nyalong e nngwe ba santse ba nyalane mme batsadi ba gagwe Dolly Moagi, a patilwe ke monna wa gagwe wa nako eno, Pilane Ditshweneng, ba rotloeditse nyalo eo le go amogela magadi.

E ntse ele mo polelong eo, Tlamelo o ne a bolelela Hendrick gore ene ga a sa tlhole a batla gore a mo nyale ntswa a sa bolo go mo ntshetsa magadi. Lekgotla le ne gape la utlwa fa Tlamelo a setse a tloga a nyalwa ke Mogae Sono ka leene a mo ntsheditswe magadi.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up