Ngwao motlhala wa motho

Baitlhaopi ba lefatshe la Jeremane ba le ngwaong ya Setswana
Baitlhaopi ba lefatshe la Jeremane ba le ngwaong ya Setswana

Mogolwane wa lekgotla le le tlhokomelang bana ba malwapa a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, la The Voice of a Child, Mpolokeng Setswammung, a re ngwao siame thata ka e dirisiwa e le tlholego, ditso le motlhala wa motho.

A re fa batho ba ka itlwaetsa go tlotla le go somarela ngwao le ditso tsa bone go ka thusa gore le dikokomane tse di tlang di e fitlhele di bo di e dirise ka jaanong le tsone di tlaa bo di itlhaloganya botoka.

Fa a bua kwa moletlong wa go arogana ngwao ya Batswana le ya MaJeremane, e e neng e rulagantswe ke The Voice of a Child kwa Bokaa, bosheng, o ne a kopa thata morafe go se tlhabisiwe ke ngwao ya one ditlhong.  Setswammung o boletse botlhokwa ja gore Batswana ba itshwarelele ka sengwe le sengwe se eleng sa bone. A re mme fa e le ngwao yone ba patelesega go e kukela kwa godimo gongwe le gongwe fa ba leng teng.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up