Mugabe o kolota moswi Moshibidu terekere

Kgosi Puso Gaborone wa Batlokwa yo gape eleng Monnasetilo wa Ntlo ya Dikgosi a kgothatsa le go rotloetsa Kgoshi Moapare IV ka tiro ya bogosi.
Kgosi Puso Gaborone wa Batlokwa yo gape eleng Monnasetilo wa Ntlo ya Dikgosi a kgothatsa le go rotloetsa Kgoshi Moapare IV ka tiro ya bogosi.

Gantsi fa motho a ka tlhokafala a kolotiwa ke mongwe, bogolo jang fa sekoloto seo se ne se itsiwe ke bobedi jo fela, yo o kolotang o kgona go ingobaya fela a sa bolelele ope le fa e le bamasika gore o kolota moswi, bogolo jang fa e le madi a mantsi kgotsa dikgomo.

Se mme gase se tautona wa Zimbabwe, Robert Mugabe, a dumelang mo go sone. Ke sone se erileng ka Mosupologo kwa bokopanong jwa ditautona le mebuso ya lekgotla la mafatshe a kgaolo ya Borwa jwa Aferika (SADC) a bolela fa (Zimbabwe) a kolota moswi kgosikgolo ya Batlokwa Moshibidu Gaborone tshukudu ya temo kgotsa terekere.

Fa a palama serala go rola mafoko a bodulasetilo jwa lekgotla le la SADC, tautona Mugabe yo e neng e le modulasetilo ka nako eo, o ne a bua thata ka fa lekgotla la SADC le simolotseng ka teng, a bolela fa tautona wa pele wa lefatshe la Botswana, Sir Seretse Khama, a ne a nna le seabe se se botlhokwa thata mo go eteleleng lekgotla leo.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up