Motshela le mogare o kopa tiro

Onkemetse Louis
Onkemetse Louis

MOTLHABENG: Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi kwa lefelong le le bidiwang Motlhabeng kwa Letlhakane mo kgaolong ya Boteti, Onkemetse Louis, yo o tsheleng le mogare wa HIV, a re motlha o gorogile wa gore a kope thuso mo pusong, dikompone tse di ikemetseng ka nosi le batho ka bongwe ka bongwe gore ba mmatlise tiro, le fa e le ya nakwana fela gore a tle a kgone go lepalepana le dikgwetlho tse a lebanyeng natso tsa go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare.

Louis yo e leng motho wa letso la Sesarwa kwa Motlhabeng o ikuetse jalo mo bekeng  e e fetileng fa Naledi e ne e jetse nala kwa lefelong leo. E rile fela fa a lemoga Naledi, Louis, a simolola go putsaputsa dikeledi,  fa ka legano a punpunyolola kutlobotlhoko e e mo pelong ya gagwe. A re o fa gare ga dinaka tsa kukama ka ntlha ya gore o tshela le mogare mme a sa bereke. O tlhaloseditse Naledi gore ke  ngwaga wa bobedi a ntse aa nwa diritibatsi e bile o ikamogetse fela sentle mme molato wa kgeleswa  ke gore o nwela dipilisi mo tlaleng ka ntlha ya gore ga a bereke. Onkemetse yo o feletseng ka lekwalo la  bone fela kwa sekoleng se sepotlana, a re o batla tiro nngwe le nngwe letsatsi le letsatsi mme go a pala, ka le kwa go yone Ipelegeng tota a sa kgone go thapiwa ka ntlha ya bontsi jwa batho ba motse wa Letlhakane.

A re o tshelela mo tshotlegong e e matlho mahibidu, ka le jone bonno jwa gagwe tota e se jwa sepe. O nna mo mogoafatsheng o o dirilweng ka dipolaseteke. A re o  kile a ya go ikuela  kwa  go ba boipelego mme ba mo gakolola go batla tiro ka a santse a ikutlwa. Le fa go ntse jalo, Onkemetse a re ga se gore o lelela go phakisiwa dijo tsa ba boipelego mahala, o a tlhaloganya fela o kopa gore a batlisiwe tiro ka e bile a na le bana ba le babedi, ba le bone ba sotlwang ke tlala botlhoko. A re go bolawa ke tlala moo go ama botsogo jwa gagwe ka a nwela dipilisi mo tlaleng mme a ikutlwe a tlhaela gotlhelele. ‘’Kana mo malatsing ano fela fa ke sena go nwa dipilisi ke a kgwa mme seo se dira gore dipilisi di seka tsa bereka sentle mo mmeleng. Tlhe batho ke kopa thuso le fa ke le Mosarwa jaana, tsweetswee,’’ ga bua Onkemetse a rothisa keledi.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up