Mosadi o rotloetsa popagano ya bomme

PALAPYE: Mosimolodisi wa mokgatho wa bomme wa Women Of the Kingdom of God Organization (WKG), Matilda Mmuru (30), yo gape eleng mogwebi yo a itebagantseng thata le go rutuntsha bomme, are o simolotse mokgatho wa gagwe ka ngwaga wa 2013 ka maikaelelo a go aga motho wa mme ga mmogo le go bopaganya basadi.

Ka dithutego, Mmuru ke monana yoo tshwereng Digarata (Degree in Humanities) mme ga a ise a ko abereke tiro e a e ithutetseng kwa Mmadikolo. Mo potsolotsong le ba Naledi, Mmuru a re o sale a tlhokafaletswe ke batsadi ka bonana selo se a reng se mo dirile gore a nne motsadi a sa le monnye.  Mme yo, o supile fa akile a dira ya go dirisa sebalamakgolo kwa bankeng ya Standard ka 2010m, mme morago ga kgwedi tse thataro a tlogela mme a ya go dira kwa Rach Properties ko le gone a sa diegang.

A re o ne a pholetha le ditiro ka go farologana ka jaana a ne a sa bone se a se batlang. “Ka nako ya teng go bereka mo bankeng e ne ele selo se se ratwang ke banana thata mme nna ga ke a kgathwa ke sepe teng. Erile kentse ke bereka ka itemogela gore ke bereka fela ka gore ke batla go thusa ba lelwapa lwame, mme go se na lorato mo teng,”a bua jalo Mmuru.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up