Mosadi o nyetswe ke banna ba babedi

Hendrick Letshwiti le bahumagadi ba gagwe ebong Shala Letshwiti ka fa mojeng le tlamelo Moagi mo molemeng
Hendrick Letshwiti le bahumagadi ba gagwe ebong Shala Letshwiti ka fa mojeng le tlamelo Moagi mo molemeng

Ngwao ya Setswana, e seng fela mo merafeng yotlhe ya lefatshe leno, e supa fa gona le nyalo ya lefufa, seemo se monna a kgonang go nyala basadi ba babedi kana go feta.

E rile bosheng, Naledi e ne ya gatisa polelo e mo go yone rre Hendrick Letshwiti wa Mogobane, a neng a kopa Lekgotla la Setswana la Mochudi go laela batsadi ba mosadi yo a neng a mo nyetse go mo duela madi a magadi.

Letshwiti, yo mo bogompienong a nyetseng mosadi wa gagwe wa ntlha Shala Letshwiti, o ne a bolela fa a setse a ntsheditse Tlamelo Moagi magadi mme go setse fela gore ba tle ba keteke lenyalo la bone ka tsamaiso ya kereke ya bone ya International Pentecostal Holiness Church (IPHC). Tlamelo o ne a tlaabo a nna mosadi wa bobedi wa ga Hendrick.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up