Modise o tlaa atlholwa kgotla kgolo
Wednesday, June 03, 2015
Mmakaseterata Queen Moanga e boletse jalo ka Labone wa beke e e fetileng gore Kgongwane wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe (19), o mo bothateng jo bo seng kana ka sepe gonne o lebisitswe molato o le mongwe wa go tlhakanela dikobo le mosetsana wa dingwaga tse di kwa tlase ga tse di letlelesegang. Go ya ka bosekisi, mosekisiwa o latofaletswa go tlhakanela dikobo le mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boratarao (16) kwa moepong wa Orapa mo ngwageng o o fetileng. E ne ya re fa mosekisiwa a ntse disanyana fa pele ga lekgotla la ditsheko la Letlhakane, mmueledi wa gagwe e leng Rre Mompati Mokwena, a kgaratlha thata mo puong ya gagwe ka mabaka a go leka go inola mosekisiwa mo molatong o.
Le fa go ntse jalo, motsamaisa tsheko yo e neng e le lepodisi la maemo a sejane go tswa kwa kampeng ya Orapa, Mpho Basebi, le ene o ne a ipapanne ka basupi go leka go bontsha lekgotla leo gore mosekisiwa o dirile molato o a tshwanetseng go o otlhaelwa. Ditlhase tsa ngangisano di ne tsa tlola phetelela mo lekgotleng fa mmueledi yo o tumileng kwa kgaolong ya Legare, Mompati Mokwena, a ne a tlhokoditse leleme mme a sobotla basupi ba puso ka dipotso tse di thata mme le bone ba bo ba ipaakanyeditse go di araba ka tlhoafalo. Tsheko e ne ya thuthafalela pele mme ga tlhalosega jalo gore mosekisiwa le mo tswa setlhabelo ba ne ba tlhakanela dikobo mo makgethong a le mararo mo malatsing a a farologanyeng.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...