Mascom e atumeletsa ditirelo kwa dikgaolong

No Image

LETLHAKANE: Kompone e kgolo ya megala ya letheka e leng MASCOM, e siana ka lobelo lwa mmutla wa matshwaratsela go kgabaganya lefatshe leno ka mabaka a mantle a a eletsegang mo setshabeng, a go isa ditirelo kwa dikgaolong gammogo le go ruta batho ka ditirelo tsa bone tse di farologanyeng.

E ne ya re bosheng banni ba motse wa Letlhakane mo kgaolong ya Boteti  ba akola seo, morago ga gore badiri bangwe ba Mascom ba bo ba le koo ka mabaka a  go tlhalosetsa banni ka ditirelo tse di farologanyeng e bile di le molemo mo matshelong a bone. Nnete e e sa batleng bola bolela ke gore banni ba Boteti ba ne ba itumetse thata ba supa kgatlhego e tona mo dithutong tsa go nna jalo tse di neng di direlwa kwa mmolong wa motse; di dirwa ke badiri ba ba matlhagatlhaga ba kompone eo. E rile fa a buisana le Naledi mo potsolosong mongwe wa badiri kgotsa barotloetsi ba lenaneo leo la go isa ditirelo kwa banning ba dikgaolo, Goabamang Ditshweu, a re boidiidi jwa batho ba dirisa ditirelo tsa Mascom mme Mascom le yone e na le maikaelelo a magolo a go fa Batswana ditirelo tsa tlhwatlhwa tse di ka tokafatsang matshelo a bone.

O boleletse Naledi gore ba tshematshema mo dikgaolong jaana go ruta batho ka ditirelo tse di farologanyeng gammogo le go utlwa megopolo ya bone mabapi le go tokafatsa ditirelo. A re ditirelo tseo di akaretsa tse di jaaka MyZaka, Khumo points, inthanete, megala e mesha e e ka tlhofofaletsang badirisi tiro mo malatsing ano a go tshelelwang mo metlheng ya maranyane. Goabamang Ditshweu a re batho botlhe go sa kgathelesege dithutego kgotsa dingwaga ba ka dirisa ditirelo tsa bone; a tlatsa ka go gakolola badirisi gore ba gololesege go botsa fa ba sa tlhaloganye gore ba seka ba salela morago mo dilong tse di amang maranyane. Ka letsatsi leo banni ba Letlhakane ba ne ba itumetse thata, ba botsa dipotso gammogo le go reka megala e mesha ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Ba re ba kopa gore go nne le ofisi ya Mascom mo Letlhakane gonne ba lata ditirelo kgakala kwa Francistown le Serowe. Ba Mascom ba ne ba patagantse tiro eo le go rotloetsa batho go lebelela metshameko ya Mascom top 8 kgotsa Tse Ditona e e tsweletseng mo nakong eno.

Editor's Comment
Watch your tongue Mr President

While his leadership has brought about significant progress and development, it is imperative that he exercises greater caution in his choice of words, particularly when addressing sensitive matters.One of the primary concerns is the potential impact of his remarks on Botswana’s relationship with De Beers, the diamond mining giant that plays a crucial role in the nation’s economy.The partnership between Botswana and De Beers has been mutually...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up