Letagwa le sokologile
Wednesday, September 23, 2015
Tshuparelo a re bojalwa bo mo dirisitse phoso e tona a bo a lebanwa ke tsheko; ka jalo o tlogetse bojalwa gotlhelele e bile o tsere tshwetso ya go ineela mo Modimong gore a tle a bone poloko ya bosakhutleng.
Tshuparelo o ikanne jalo morago ga go bonwa molato ke lekgotla la Setswana la Letlhakane, kgwedi eno e tlhola lesome le botlhano, mo tshekong e e neng e reeditswe ke kgosi Tikologo Supang, ka a ne a lebisitswe molato wa go tsena mo lelapeng la motho kwa ntle ga tetla kgatlhanong le temana ya bo 305 ya phenale khouti. Mosekisiwa o ne a ipona molato a bo a bolelela lekgotla gore o ne a nole bojalwa phetelela, mo a neng a felela a sa itlhaloganye a bo a iphitlhela a dirile molato ka ntlha ya jone botagwa. Go ya ka mabaka a tsheko e e neng e tsamaisiwa ke Constable Mogomotsi Pompi wa sepodisi sa Botswana, e rile mo bosigong jwa kgwedi ya lwetse e tlhola lesome le boraro, ga twe mosekisiwa, o ne a tsena mo lelapeng la ga mme Kelesitswe Gabaikanngwe yo ba sa itsaneng gotlhelele. Ga twe mosekisiwa o ne a tsena jalo mme a simolola go kokota le go batla go tsena mo ntlong e mongongoregi a neng a robetse mo teng a na le monna wa gagwe.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...