Lesego Kgajwane o abetswe leboko

Lesego Kgajwane
Lesego Kgajwane

Matlhatso a a fetileng, baboki ba Molepolole ba ba ipitsang Basimane-ba-Mokwena ebong Rabojalwa Keetile, Kaone Mahuma le Moroka Moreri, ba ne ba etela kwa Moshupa kwa kgotleng ya Mmaseetsele, go isa mpho ya leboko kwa modiring wa Seromamowa sa Botswana, Lesego Kgajwane, le le kwadilweng ke mmoki Dipako Sesienyane. Mo moletlong o o neng o tshologetswe ke bontsi bo akaretsa mopalamente wa Moshupa e bile e le Mothusa Tautona wa lefatshe leno Motlotlegi Mokgweetsi Masisi, Kgosi Kgari Sechele (III), Kgosi Osca Mosielele, molaodi le makhanselara a motse, moruti Jobe Koosimile, kemedi ya ofisi ya mopalamente go ne go rena lebebe la poko le mmino wa dikhwaere.

Batsenamoletlo ba ne ba amogelwa ke kgosi ya motse, Kgosi Osca Mosielele, yo o neng a supa fa motse wa bone o le lesego ka jaana ele lantlha o nna le mothusa tautona, a bo a akgola gore Lesego e bo e le mogasi wa ntlha go abelwa seetsele mo motsing. E rile a tlhalosa maikaeleo a tiro, morago ga kamogelo ya baeng, Kgosi Kgari Sechele a bolela fa motse wa Molepolole e le motse o o humileng poko, mme a lemogile fa poko ya Basimane-ba-Mokwena e somarela ngwao. Kgosi o ne a supa fa poko ya bone e gapile pelo ya gagwe. Ka jalo a bolela fa a ikemiseditse go ba rotloetsa mo ditirong tsa bone. Mmabatho o ne a tlhalosetsa Baga Mmanaana fa poko ya basimane ba Mokwena, e ba itshetsang ka yone e kile ya dira gore ba abelwe dikgomo ke botautona ba pele, a bo a ba kopela thotloetso le gore Bakgatla ba ba amogele. E rile a a kgwa tiro dikgaba, Mothusa Tautona a galaletsa baboki ka gore, “ke a le akgola borre ba Bakwena. Mokwena o tlile go abela Mokgatla”.  Mothusa Tautona o ne a akgola kagiso e e mo Botswana a re ga e akolwe motlhofo ke mafatshe mangwe mo Aferika. Mothusa Tautona o ile a akgola mo go haphegileng, Lesego Kgajwane, a supa fa kabelo ya leboko e le sesupo sa gore o na le kgogedi e bile o senatla. Motlotlegi Masisi o ne a rotloetsa batsenamoletlo go meletsa mathe tiragalo e ka a tlhalositse fa gantsi mpho ya leboko e lebaganngwa dikgosi. “Lo nne dinatla lo tle lo direlwe jaana”, a kgothatsa morafe jalo.

Tiro e e lebega e ne ya kuka pelo ya ga Lesego Kgajwane mo a bileng a rothisa keledi ya boitumelo. Lesego yo o dirang mo seromamoweng sa Botswana (RB1), o gasitse dithulaganyo di akaretsa , “Inola,  Tsa Bommaetsho, Dikgang tsa Palamente, Ditlhabololo, Dipina le Maboko, Lesego le Mosalagae, le tse dingwe tse di gaisiwang go lebilwe tiragalo”

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up