Lenyora, lefifi di supuditse motlotlegi Ngaka Butale

No Image

Mo go nngwe ya diragalo tse di sa tlwaelesegang mo lefatsheng la Botswana, bogolo jang mo palamenteng, palamente ya mariga e ne ya bulwa ka mokgwa o o haphegileng jaaka banna ba badisa dikgago ba ne ba bidiwa le go laelwa go mekameka go suputsa le go ntsha le go latlhela mopalamente wa phathi ya kganetso ya Sekhukhu(UDC) Dr Phenyo Butale kwa ntle jaaka a ne a leka go re go buiwe ka seemo se se maswe sa metsi le lefifi le le ntshonhtso ka ntlha ya tlhaelo ya motlakase.

Batswana ba setse ba tshelela fela mo tshotlegong le letlhoko la ditlamelo le ditirelo tse di botlhokwa mo matshelong a bone ka e a re fela motho a ntse a re o apeile ka setofo sa motlakase a hakgamale fela go setse gore tshoo, fa gongwe a bone fela ka phaletshe kgotsa ting e ntse e gema a ntse a re o a fudua. Fa gongwe ga a setse a hagile a re e a kgabakgaba, motlakase o time a santse a le kgakala le pitsa, e re a re o tla go e tlhola a fitlhele dijo tse di ka se jeweng le yone ntsa ya mokashe tota.

Lefifi le le ntshontsho le, le dirwa ke gore go na le bothata jwa motlakase fela jo bo ntsi, mo le bone bo radikgwebo ba setseng ba tshela fela ka ditatlhegelo ka ntlha ya go sa kgoneng go reka dijo tsa seramem kgotsa fa ba di rekile di senyega ka ntlha ya go tima kgapetsakgapetsa le gone sebaka se se leele ga motlakase.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up