Lehuma le amile banalebogole � Makgalemele

Makgalemele
Makgalemele

SEROWE: Motshwarelela Tona ya Ofisi ya Merero ya ga Tautona le Bodirelapuso, Dikgang Makgalemele, a re banalebogole fela jaaka Batswana ba bangwe, ba amilwe ke lehuma ka jalo ba na letshwanelo ya go thusiwa ka mananeo a a leng teng.

Tona Makgalemele o buile se kwa phuthegong ya kgotla bosheng  kwa kgotlengkgolo ya Gammangwato ka Mosupologo.

O boletse fa thulaganyo e e tla nnang teng ele gore fa ba thapiwa mo lenaneong la Ipelegeng, ba seka ba kgaolwa fa nako ya khiro e goroga mme bone ba tswelele ka go theogela”. O tsweletse ka go bolela fa thulaganyo e nngwe ele go atolosa lenaneo la gore banalebogole ba atswiwe ka makgolo a mararo a dipula (P300.00) kgwedi le kgwedi, mme a tlhalosa fa go dira jalo, go tla akaretsa dituelo tsa melatsa go simologa kgwedi ya Moranang ngwaga ono, a bolela fa go ne ga nna le tiego ka se.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up