Kirikete e di gatisa legala

Batshameki ba kirikete ba Botswana SENEPE: MMEGI
Batshameki ba kirikete ba Botswana SENEPE: MMEGI

Motshameko wa kirikete o tsweletse ka go gola ka lebelo le le itumedisang mo lefatsheng la Botswana, mo le gatisang metshameko e mengwe legala mo dikgaisanong ka go farologana jaaka erile ka Matlhatso lekgotla le le tlhokometseng motshameko o mo Botswana(BCA)la gapa tlotla ya lekgotla le le gaisitseng mo ngwageng e e fetileng. Se se tla morago ga gore mookamela lekgotla le, Girish Ramakrishna a nne fela a gapa tlotla ya moeteledipele wa motswakwa yo o gaisitseng ngwaga le ngwaga mo dikgaisanong tsa lekgotla la metshameko la Botswana(BNSC).

Erile go tsenwa mo dikgaisanong tsa BNSC ka Matlhatso jaaka gale lekgotla la kirikete la Botswana la bo le kwadile leina la lone mo dibukeng tsa bagaisanyi, se sa supa gore ka monongwaga go sena leina la moeteledipele wa lone, Girish Ramakrishna, ga go reye gore kirikete e latlhegile ngwaga o o fetileng. Nako ya go bitsa leina la legotla le le dirileng go utlwala ngwaga e e fetileng batsena moletlo ba ba baakanya ditsebe, gore ba utlwe sentle gore tota mofenyi wa ngwaga ya 2015 ke mang.

Ba ba sa lateleng motshameko wa kirikete, ba bo ba sa emela go utlwa sepe ka yone, fela mmadi a ntsha pampitshana ya gagwe a re, ‘mofenyi ke… pele a re Botswana Cricket Association,’megolokwane le loshalaba la utlwala go tswa kwa sekhutlhwaneng se se neng se ntse bagolwane le batshameki ba kirikete. Ba ne ba dira jaana ka ba itse fa bangwe ba ne bas a solofela gore lekgotla la bone le ka gatisa a mangwe legala la Mariga a a botlhoko jo bo kana.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up