Khama o tshwana le Jeso po! � Kably

Kably
Kably

Pina ya kereke ya re ‘ga gona yo o tshwanang le Jesu, ga gona yo o tshwanang nae, ga ayo, ga ayo, ka dikologa gotlhe gotlhe, ga ayo, ga ayo, ka dikologa ka mofomana Jeso wa me.’Fela, Kably ene o opela a re ‘ga gona yo o tshwanang le Khama, ga gona yo o tshwanang nae, ka dikologa gotlhe gotlhe, gaayo, ka dikologa ka mofomana Khama wa me, o tshwana le Jeso ka lorato, kutlwelobotlhoko le tatedi’

Mo letsholong la go boka le go tlotlomatsa thata tautona ya lefatshe la Botswana Lt General Ian Khama, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephephe Lakay Kably, a re ga gona Motswana ope le fa e ka nna mang yo o ka fetang Khama ka go ratiwa ke Batswana. A re o mo tshwantshanya fela le morwa Modimo Jeso Keresete yo o ratiwang ke barapedi le baleofi botlhe ba lebopo ka ntlha ya lorato le kutlwelobotlhoko ya gagwe.

Fa a akgela mo mafokong a setshaba a ga tautona beke e e fetileng kwa palamenteng, mopalamente Kably a bolela fa mafoko a ga tautona Khama a le mantle thata ka a tsholetse Batswana tsotlhe tse di molemo tse a itseng fa Batswana ba di itumelela fela thata. A re ga gona ope yo o ka aketsang Batswana a re Khama ga a bue sepe ka Khama a dira dilo ka thulaganyo, e mo go yone a rotloediwang ke mowa wa gagwe o montle.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up