Kgosikgolo Mosadi o tlotlomatsa BarwaKgodumo

Kgosi Mosadi Seboko
Kgosi Mosadi Seboko

Letsatsi la Matlhatso aa sa tswang go feta le ne la tlhaba ka pharologanyo kwa Ramotswa, kwa kgaolong ya Ga-Malete kwa babinanare ba neng ba letse ba sa bona boroko jwa dintshi ka ba ne ba letile go goroga ga letsasi le letona la bone la ngwao la barwaKgodumo le le neng le patagane le kalogo ya bojale bo eteletswe pele ke kgosikgolo ya Balete Kgosi Mosadi Seboko.

Balete ba supile sentle fa ba tsaya ngwao ya bone ka tlhwaafalo jaaka ba ne ba tshologetse kwa kgotleng kgolo ya Ramotswa ka dipalo tse di kwa godimo go ya go amogela bojale le gone go ipelela letsatsi la morafe wa barwaKgodumo. Pele ga oura ya borataro mo mosong wa Matlhatso, ke fa go setse go bonala batho ka dipalo tse dintsi ba ya kwa kgotleng kgolo. Bannabagolo, basadibagolo le banana ba apere diaparo tsa setso ka mefuta go supa sentle gore le ke letsatsi le legolo mo Ga-Malete.

Magosi le magosana go tswa mo metseng yotlhe ya Ga-Malete ba bo ba moletlo oo, le gone go ema nokeng mong a mmu, Kgosikgolo Seboko, mo tirong e tona eo.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up