Kgosi o kgalemela baruti
Wednesday, January 13, 2016
Kgosi Kegapetswe a re bareri ba lefoko la Modimo ba dikereke dingwe ba na le mokgwa wa go fetola dintsho lefelo la tlhabanelo ka go bua mafoko a a sa amogelesegeng mo setshabeng ba ipata ka go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng.
Kegapetswe o ntshitse mafoko a kgalemo a menne phatla kwa mabitleng a motse wa Letlhakane, ka Matlhatso fa go ne go bolokwa baswi ba le babedi ka nako e le nngwe, ba e neng ele motho le rakgadiagwe. Le fa gone a sa bitsa kereke epe ka leina, a re mokgwa o o bosula o wa baruti kgotsa bareri ba dikereke dingwe mo motseng wa gagwe, o mo tshwenya jaaka tlhagala ya tlhogo, mo jaanong a setseng a kgona go tsenwa ke letshogo fa a gopola go ya dintshong. “Ke le kgosi ya lona ke tla tshwanelwa ke gore ke lo kgalemele ke menne phatla, ke kgalema lona ba dikereke. Betsho kana tota lo tla re tshabisa go ya dintshong ntateng ya dipuo tsa lona tse di botlha,” a bua ka sefatlhego se se apereng matshwenyego.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...