Kgosana Tlhagwane o abela morafe
Wednesday, October 28, 2015
Erile a ba fa dithoto tse beke e e fetileng, Kgosana Tlhagwane a bolela fa Batswana go tswa bogologolo tala e ntse e le tshaba e e tletseng lorato le mautlwelo botlhoko. A re Batswana ba bogologolo ba ne ba sa rate gotlhelele go bona ba bangwe ba sokola le go sotlega ka ntlha ya letlhoko le bohumanegi. A re se ke sone se thusitseng thata gore Batswana ba gole e le tshaba e e bopaganeng ebile e dirisanya sentle ntle le go nyatsana.
O ne a tswelela a bolela gore tirisanyo e ya merafe ya lefatshe la Botswana, e ne e gogwa kwa pele ke dikgosikgolo le bomonnaabone, a tlhalosa fa e ne e le tsone di rutang le go rotloetsa merafe ya tsone go thusa ka tsela nngwe le nngwe botlhe ba ba senang sepe. O tlhalositse fa dikgosi di ne di dirile mananeo a letsema, molaletsa a a neng a diretswe go hira ba bangwe gore le bone ba obe lebogo go bona se ba ka se jang le bamalwapa a bone.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...