Kgaisanyo ya Builders e a gola � Ramaabya
Wednesday, October 07, 2015
Go ya ka mogolwane wa pele wa lekgotla le le tsamaisang merero ya motshameko wa kgwele ya dinao kwa Kgatleng, yo gape eleng ene a simolotseng kgaisanyo e, Olefile Oliver Ramaabya, are e supa kgolo le tlhabologo e e nametsang. A re fa ba simolola kgaisanyo ka thotloetso ya Builders World ya Mochudi, ba bo ba itebagantse fela le motshameko wa kgwele ya dinao ya basimanyana ba dingwaga tse di kwa tlase.
O boletse gore se se ne sa ba thusa thata go bona jaanong ditlhopha tsa diliki tsa Kgatleng di tlhwaafalela go simolola ditlhopha tsa batshameki ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le bosupa, tse di neng tsa ngoka basimanyana ka dipalo tse dintsi thata. A re o ikutlwa a le motlotlo ka se se thusa thata go simolola bana ba sale bannye gore ba gole ba itse motshameko wa kgwele ya dinao. Ramaabya o boletse gore e ntse e le ka thotloetso ya kompone ya Builders World, ba ne ba kgona go simolola ditlhopha tsa basetsanyana, se e ntse e le go supa kgolo le kgatelopele, mme morago ga akarediwa le metshameko e mengwe jaaka Soobolo le bolibolo.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...