George Rapoo David Mautlane
Wednesday, December 14, 2016
Naledi: Tlhalosa ka boripana ka ditso tsa Batlokwa
Mautlane: Re tlholegile kwa Lesotho rele Batlokwa ba ga Mantatisi. Yare re fitlha mo South Africa mo kgaolong tsa Pretoria Batlokwa ba ntlo e potlana tsaya bogosi mme ba ntlo e tona ba itidimalela ba seka ba ba lwantsha. Le fa go ntse jalo morafe o ne wa kgaogana. Mme Batlokwa ba batona ba bidiwa Batlokwa ba ga Madidimale. Mme ba rapalala le noka ya Madikwe go fitlha ba tsena kwa nokeng ya Limpopo. Ba ne ba e kgabaganya mme baya go kopa bodulo kwa Gammangwato. Ba ne letlelelwa go nna le Batalaote ba Sefhophe ka paka ele ya dintwa tsa difecane merafe ya maAferika mo borwa jwa Aferika e tsogelelane. Batlokwa ba ga Madidimale ba tloga ba tshelela noka ya Limpopo ka kwa South Africa go tshaba merusu ee neng e tsositswe ke kgosi ya nako eo ya Batalaote le Matebele a ga Mzilikazi. Batlokwa bao ba fetile ba thibelela mo Petersburg kwa ke tsholetsweng ka ba ka golela teng.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...