Fire Ministries e lorile
Wednesday, November 04, 2015
Kereke ya Share the Fire, dikgwedinyana pele ga ee sha SENEPE: EDWARD PEKENENE
Ka lone letsatsi leo batho ba ne ba kokoanye ba lebile ka kutlobotlhoko jaaka kereke ya Share The Fire e jewa ke molelo o bangwe bareng ke wa diphera, o go sa itseweng gore tota o ka tswa kae. Ba ne ba le mo bohutsaneng jo bogolo go bona ntlo ya ga Jehofa e peperetla jalo go fitlha e wela ka ntlha ya molelo o o neng o le bogale. Naledi, e ne e le fa gare ga bone ya ba ya utlwa ba bua ba sa sebe gore ba belaela fa kereke e tshubilwe ke saatane ka bomo go supa gore ntwa ya gagwe le Modimo ga e kitla e fela motlhofo.
Ba re ba belaela gore ka ntlha ya gore mo malatsing ano dikereke di runya ka bontsi jo bo gakgamatsang mo Letlhakane, saatane o ka tswa a shakgetse thata, ka a lemoga gore balatedi ba gagwe ba a fokotsega mme ba ikanya Ramasedi a poloko. “Mo ke ditiro tsa ga saatane. O a bo a simolotse kana o bona gore bontsi jwa batho ba Zowa ba tsena dikereke? Yo ke saatane yo o maoto mararo yo o mogatla moleele, yoo tshubile kereke tsatsi leno!” ga bua mosadi mongwe ka kutlobotlhoko.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...