Dikhwaere di romela molaetsa ka EMV

Malatsi a boipuso jwa lefatshe la Botswana a ne a tletse ditiragalo tsa itloso bolutu go ralala lefatshe lotlhe la Botswana, mme kwa Kgatleng gone jaaka e le tlwaelo monate ga bo go ne go jewa wa lebebe la dikopelo tsa Sekgatla.

Fa e ne e le kgaisano ya dikhwaere di le lesome le bongwe tse di tswang mo kgaolong yotlhe ya Kgatleng, le e le nngwe go tswa Ga-Mmangwato.

Dikhwaere tse, di ne di le mo ntweng e e matlho mahibidu ya kgaisano e e neng e rotloediwa ke lekgotla la ditlhopho la Botswana mabapi le go gasa molaetsa ka motshine o mosha wa ditlhopho(EMV) o puso e bolela fa o tla a dirisiwa e le lantlha mo ditlhophong ka ngwaga ya 2019. Eleng seo jaanong lekgotla la ditlhopho le bonang go le kaone gore Batswana, ba eleng bone batlhophi ba seka ba goroga kwa ngwageng ya ditlhopho ba sena kitso ka one.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up