CELIAT, BTTA di nyalane gape

No Image

E ne ya re ngwaga e e fetileng, kompone ya dikago le ditsela ya CELIAT ya tsena mo nyalong e e boitshepho le lekgotla la motshameko wa thenese ya tabole la Botswana(BTTA) go tshwaraganela liki ya motshameko o gore le yone e ngoke batshameki le tatedi e e tlhatswang pelo.

Fela jaaka ngwaga e e fetileng CELIAT e boa gape e tsena mo nyalong le BTTA gape ka maikaelelo a go bona BTTA e tshegetsa liki e nngwe gape, jaaka CELIAT e goroga ka P50,000.00 monongwaga.

Fa go rolwa thotloetso ya madi le gone go simolodisa liki ya monongwaga kwa holong ya metshameko ya lekgotla la metshameko la Botswana (BNSC) beke e e fetileng, mookamela lekgotla la BNSC Falcon Sedimo, o ne a bolela fa go itumedisa go bona dikompone tse di ikemetseng di bona go le botlhokwa thata go thusa mo tlhabololong le kgolong ya metshameko ya lefatshe la Botswana.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up