Boramabole ba goroga ka dietsele

Setlhopha sa Botswana sa mabole se se neng se ile dikgaisanong kwa Morocco se dirile sentle, ebile bagolwane ba lekgotla la Botswana la mabole (BoBA) ba se gorositse ka boitumelo kwa lebaleng la difofane go se lebogela tiro e ntle ya sone. Botswana e gapile dietsele di le nne, eleng selefera se le sengwe le boronse di le tharo.

Kgaisano e, e ne e ngokile mafatshe a le 19 a a itsegeng thata ka motshameko wa mabole. Moanamisa mafoko wa BoBA, Kenny Maragana, o boleletse Naledi fa go itumedisa go bona lekgotla la gagwe le tsweletse ka go tsenya batshameki mo dikgaisanong tsa mothale o. A re setlhopha sa bone se ne se ipaakantse sentle ka ikatiso le go tsenelela dikgaisano ka go farologana mo gae le kwa ntle jaaka ya Zone IV  kwa lefatsheng la Aferika Borwa.

Le fa batshameki ba sa kgona go gapa kgaisano, kgotsa le seetsele sa gauta, ba motlotlo thata ka batshameki ba bone ka bangwe ba bone ba kgonne go kwadisa maina a bone le la lefatshe la Botswana mo dibukeng tsa mafatshe tsa mabole ka go gapa dietsele tsa selefera le boronse. A  bua gore fa kgaisano e tshwana le e ba tswang mo go yone e, le fa go le botlhokwa thata go gapa dietsele, tota boammaaruri e a bo e le go bona gore batshameki ba siame go le kae go mekamekana le balekane ba bone go tswa kwa mafatsheng a sele.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up