Batshamiki ba liki ya Debswana ba kgothaditswe

Modipane United e nkgisana magwafa le Gabane Young Stars
Modipane United e nkgisana magwafa le Gabane Young Stars

Tsholofelo ya Motswana mongwe le mongwe ke go bona tshameko e e tokafetseng ya batshameki ba liki ya Debswana gore mogang ditlhopha dingwe di tlhatlogelang kwa liking ya BTC, go bo go na le tshameko e e kgatlhisang le go atolosa kgaisano ya batshamiki ko liking e.

Ka jalo go botlhokwa gore batshamiki ba liki e ya Debswana ba tlhwaafalele go itsaya tsia fa ba tshamekela ditlhopha tsa bone kwa leroleng.  Se se builwe ke mongwe wa batshamiki ba pele ba liki ya BTC, Teenage Podile mo puisanong le Naledi ka Mosupologo.    

Motshameki yo wa pele wa Centre Chiefs e bile a kile a tshamekela Dipitse, a re ntswa ditlhopha tsa liki ya Debswana di tshamekela kwa mabaleng a a senang motlho kana kwa leroleng jaaka  go tlwaetse go bidiwa, batshameki ba tshwanetse ba supa gore ba tlala kgologolo mme ba itome melomo ya tlase go ngoka phadisang e e mashetla le balekane ba bone, gore mogang ba tlhatlogang ba ngoke ditlhopha tse di popota tsa liki ya BTC.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up