Bamabole ba itlhokoditse � Maragana

No Image

Lekgotla la mabole la Botswana(BoBA) le ntse le dikologa lefatshe la Botswana go goroga le kwa dikgaolong tse di kagakala go tshegetsa dikgaisanyo tsa ditlhopha tsa mabole go ya ka dikgaolo tsa tsone, tse mo go tsone banna le basadi ba ntseng ba itaana ka mabole go utlwala mo mosakong mafelo a beke nngwe le nngwe.

Ka jaanong ditlhopha tsotlhe di kgonne go tshegetsa kgaisanyo mo dikgaolong tsa tsone, batshameki le bone ba itlhokoditse go utlwala, matlho a rotogile go leba kwa kgaisanyong e tona ya setshaba kwa batshameki ba tla a supang fa e le dinaledi tsa boammaaruri teng.

Dikgaisanyo tse tsa ditlhopha tsa mabole, go ya ka moanamisa mafoko wa lekgotla la BoBA, Kenny Maragana, di ne di tshwarwa jaana ka maikaelelo a go thusa ditlhopha kwa di leng teng go tlisa motshameko wa mabole kwa bathong kgotsa baagi ba kgaolo e e rileng. Se a re e le gore go seka ga tloga ga bonala fela okare motshameko wa mabole ke wa ko ditoropong fela, mme se se tloge se kobe Batswana mo motshamekong o, bogolo jang ba ba kgakala le ditoropo. A re go dikologa lefatshe lotlhe la Botswana ba tshwara dikgaisanyo tsa mabole, go thusitse thata go ngokela barati le balatedi ba motshameko wa mabole mo go one, ka ba ne ba o lebelela ka dipalo tse dintsi fela thata go gaisa pele. O tlhalositse fa baagi mo metseng le dikgaolong ka go farologana ba boletse fa ba eletsa go bona go nna jaana ngwaga le ngwaga, ka e bile gape go ba thusa go itlosa bodutu ka sengwe se se pharologanyo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up