Bakatisi bangwe ba tletse lenyatso waitse!

No Image

Liki e kgolwane ya be MOBILE e santse e le ntsha go simolola ka e tsamaile dibeke di le nne fela, mme go setse go lebega fa ditlhopha dingwe di babalelwa ke go sa direng sentle, mme se jaanong se fetela ka bakatising ba tsone ditlhopha tse.

Mo bangwe ba bone ba supang maitsholo le maitseo fela a a sa itumediseng jaaka go bonetse ka Matlhatso fa mokatisi wa Gaborone United Rahman Allan Gumbo a ne a gana go bua le babega-dikgang.

Mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng, bakatisi ba ne ba na le mokgwa o wa bone o o maswe wa go gana go bua le babega-dikgang, mokgwa fela wa lenyatso le go sa itshwareng sentle ga motho gotwe o neetswe maikarabelo a setlhopha ka nako ya motshameko. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, makgotla a mafatshe a motshameko wa kgwele ya dinao, a ne a tlhomamisa gore go nna ka fa molaong gore mokatisi a buisane le babega-dikgang pele le morago ga motshameko. Kgato fela e mongwe le mongwe a neng a e bona e le botlhokwa le gone go supa kgolo le kgatelopele mo motshamekong wa kgwele ya dinao. Le fa go ntse jalo, mono Botswana go ne ga tswelelwa fela ga itshwarwa ka mokgwa fela o o maswe le lenyatso jaaka bakatisi bangwe ba ne ba tswelela le go kgathologa le go kgaphela babega-dikgang mabogo fa ba kopa go bua le bone. Se se tlhabisang ditlhong ke gore bakatisi ba ba itshwarang jaana ba gantsi ke batswaka, ba go dumelwang gore ba mo lefatsheng le ka go bo e le ba boleng jo bo haphegileng, ba go solofelwang fa ba tshwanetse go tsisa kgolo le tlhabologo mo motshamekong wa kgwele ya dinao ya Botswana.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up