Ba kgwetse Tona Molao botlhoko

LETLHAKANE: Banni bangwe ba Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti, ba kgwetse botlhoko Mothusa Tona wa pele wa Temothuo yo gompieno aleng kwa go la Thuto le Tlhabololo Dikitso, Fidelis Molao, ba re gaana mosola mo go bone ka a tshwana fela le matona a mangwe a temothuo a a tsileng fa pele ga gagwe.

Go rata go jewa nko e sa butswa ke batho ga ga Molao go diragetse bosheng fa a ne a buisa phuthego kwa kgotleng kgolo ya motse oo, malatsinyana fela pele ga Tautona Ian Khama a mo fudusetsa kwa lephateng la thuto. Molao o ne a iphitlhela a setse a ntse mosima wa phika a sa solofela, fa bangwe ba batsenaphuthego eo ba ne ba mo gagolaka ka mafoko a a bogale a kgalo  go supa fa ba sa itumelele ditirelo tsa lephata la gagwe. Mokhanselara wa pele wa Letlhakane a le mo phathing ya Domkrag, Rre Keikemetse Shaka, yo o tlwaelesegileng ka leina la Mabalane, o ne a kgwa molelo wa diphera wa tlhoboso o o neng wa rata go tshuba Mothusa Tona .

‘’Ga gona ope wa lona yoo buelelang temothuo mo kgaolong ya Boteti, lo a palelwa, lo iphitlha ka menwana!’’ ga bua Shaka a phuphura makgabana.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up