Ba ba kwa godimo ba itumetse

No Image

Liki e kgolwane ya be MOBILE e setse e gorogile mo bekeng ya bone, mme go lebega ditlhopha tsotlhe di rototse matlho go tlhomamisa gore ga gona sepe se se bonyang go ka jewa. Di gakologelwa gore motho mongwe o kile a re phatsi, ga o bonya o jelwe. Fela, tse dingwe di setse di bontse mme jaaka go boletswe tsa jewa botlhoko. Mmegadikgang wa metshameko wa Naledi, TEICHLER RANKOA, a re fa go nna jaana motho o ka gakologelwa pina ya moopedi wa mmino wa Setswana Maghebula e e reng ‘go jewa batho, ba ba kwa godimo ba itumetse, fa ba ba kwa tlase ba lela, setlhako sa lela’

Mo pineng e ya gagwe ya go jewa batho Maghebula o papamatsa gore bangwe ba itumetse ka ba dirile tiro ya bone. A re ‘re ba jele ba dimpa dimagwata, setlhako sa lela, ba ba kwa godimo ba itumetse, fa ba ba kwa tlase bone ba itumetse.’ Pina e e maleba thata fa go lebiwa ka fa metshameko ya mafelo a beke e neng e ntse ka teng. Setlhopha sa mmamoratwa sa kwa toropong ya Lobatse, Extension Gunners se ile sa leba kwa Selebi-Phikwe go thulana le sa koo sa FC Satmos.

Gunners kgotsa Mapantsula jaaka barati le balatedi ba sone ba rata go se reta, ba ile ba somola ditlhobolo tsa bone ba hulakaka benggae, Satmos ka dinno di le tharo go lefela, kgotsa ka e le mapantsula go ka twe ba ile ba somola dikoni ba tlhabakaka le go tsatsanka ka tsone tirii holes. Phenyo e ne ya tlhoma Gunners kwa godimo ga loko ka dintlha di robabongwe ka Matlhatso. Mme se sa itumedisa barati le balatedi ba setlhopha se thata ba opela bosigo jotlhe jwa Matlhatso go fitlha gompieno.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up