Re amogela ka tsoo pedi
Wednesday, June 15, 2016
Go bolelwa fa molelo o, o ntse o tsweletse o etela metse ka go farologana. E a re gompieno o utlwalelwe fa, ka moso o utlwalelwe kwa, ka le lengwe letsatsi o utlwalelwe golo gongwe gape. Go utlwala gore, e rile bosheng, wa ralala metse ya kgaolo ya Shoshong, e mengwe ya yone e leng Otse, Kalamare, Mmutlane le Bonwapitse, mme wa gorosiwa ke mopalamente wa nako eno wa kgaolo eo.
Ga twe e rile a o amogela, mopalamente a bolela fa molelo o supa gore, Botswanao tswa kae, o ya kae. Re tsaya gore, ka mafoko a, mopalamente o ne a raya gore, go tswa nako e go neng go tsewa boipuso, go tsena gompieno, go na le dingwe tse Botswana a di dirileng a di kgona, mme gape, go sa ntse go na le tse dingwe tse di ka dirwang go fetela pele. A kopa morafe wa kgaolo gore ba itebe, ba ipotse gore, ke eng se bone ba ka se dirang go isa Botswana pele. Pego e bolela fa kwa Shoshong molelo o ne wa amogelwa ke kgosi ya motse Kgosi Kgamane. Ka mogolo ga a ke a tlhoka gore e re a na le morafe a bue sengwe, a tla ka la gagwe kgosi. Ga twe o ne a re, go tswa kgakala lefatshe leno le gogwa ke dikgosi tse di neng di tlhokomela morafe di bile di tsisa kagiso. A tswelela a re, o itumelela gore, puso ya gompieno e ntse e tshegeditse ngwao ya bogosi.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...