Mopako ga se wa dijo fela
Wednesday, August 10, 2016
Re ne ra ntsha sekai sa gore, fa o ka botsa ka morokotso, ba le bantsi ga ba ke ba itse gore o bua ka eng. E re boemong jwa go bua ka morokotso wa kgomo, bone ba bue ka wa madi, wa banka, ka oo ke one o ba o itseng. Wa kgomo one, o fitlhele le ka matlho ba ise ba ke ba o bone.
Sekai se sengwe ya nna gore, o ka botsa ka pinagare, mme go nne go tshwane fela. Ba se ke ba itse gore pinagare ke eng. Re ne ra netefatsa se ka go ntsha sekai sa gore, ngwana mongwe o kile a bodiwa gore pinagre ke eng, mme karabo ya gagwe ya nna gore pinagare ke pina e e fa gare. E le eng a ne a bua jaana? O ne a araba jaana ka go bona lefoko ‘pinagare’ le dirilwe ka mafoko a mabedi, e leng, ‘pina’ le ‘gare.’ Go bona mafoko a, mogopolo wa mo raya wa re, pina e, ke pina e e fa gare ga tse dingwe. Ngwana a bo a sa itire, ka tota a ne a sa itse pinagare, a ise a ke a e bone gope.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...