Leo le raya se sele

E ne ya re fa re ntse re setse polelo ele ya phuthego ya kgotla kwa Oliphant’s Drift morago, re e tlhodumetse, ra utlwa gore, e rile a le koo, mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule, a bolela fa Tautona a ne a ba roma, e le mapalamente, go tsamaya lefatshe leno lotlhe.

E re se loa Setswana se re, ba le  tsamaye, ba le ralale, ba le tsena ka fa, ba le tswa ka kwa, ba lebogela Batswana go bo ba ne ba tlhopha ka kagiso le thokgamo. Fa, ga bo go ne go buiwa ka ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga o o fetileng. Gape, Motswana a re, ke ngwaga o re neng re tswa mo go one. La bo le bolotse letsholo la diphuthego tsa mapalamente. Re setse re utlwile ka dingwe tse go neng go bolelwa fa di ne tsa tshwarwa ngwaga ono o simologa ka kgwedi ya Hirikgong.

Gompieno re kopana gape le polelo e nngwe ke eo, e supa fa e ne ya re go le  Labotlhano Hirikgong a le masome mabedi le bongwe, Dr Lemogang Kwape, mopalamente wa Kanye Borwa, e bile ka nako eo gape, e ne e le Tona ya Lephata la Botsogo le Boitekanelo, a tshwara, a buisa, diphuthego tsa kgotla kwa  Goora Sebego, le Goo Kgano, gone kwa Kanye. Eo, ya bo e le nako ya gore e fifing e lele. Mme selelo ya nna eng? Ga twe, morafe o ne wa supa fa o tshwenyega ka go tlhaela ga bodiredi le melemo ya balwetse ba madi a matona le ba sukiri kwa kokelwaeng ya Sebego. Go bonala fa se, e ne ya se ka ya nna kgang epe e e thata. Polelo e supa gore, gone foo, mopalamente a dumela gore mo dikokelong le dikokelwaneng dingwe, bodiredi le melemo di a tlhaela mme a kgothatsa badiredi ba Lephata la gagwe, ka nako eo, go lekodisa setshaba ka go tlhaela ga bodiredi le melemo ka tlotlo, lerato, le monyenyo. Motswana a re, ka mowa o montle, le difatlhogo tse ditlhapileng. Go bo go tshwanetse gore go dirwe jalo balwetse ba tle ba nametsege, ba sidilege ditlhabi ba se boele gae mewa e kotlometse ka ba ne ba sa tshwarwa sente.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up