Le lengwe mme le mafoko mabedi
Friday, December 20, 2019
Re utlwa fa dikgaisanyo tseo di ne di rulagantswe ke mokgatlho o bidiwa Kgeleke tsa Ngwao le Meduduetso, e le tsa meduduetso e e farologanyeng. Mongwe wa meduduetso eo, o kaiwa e le wa go isa thupa kwa kgotleng, o mongwe e le wa go gorosa ngwetsi, mongwe gape e le wa leboko. Ga twe, ka palo, bagaisanyi ba ne ba le lesome le bobedi mme gare ga bone, go le monna a le mongwe.
Go ya ka polelo, kwa tirong ele, go ne go le mohumagadi wa Batlokwa Mme Thandie Gaborone. Polelo e kaya gore, e le mogolo, mohumagadi a se ka a tla fela a iphotlhere, ke gore a sa tshola sepe; a tla ka mafoko mangwe go tiisa tiro moko. Go bonala gore, mohumagadi o ne a itumelela tiro e thata mme a kgothatsa Bakgatla go tswelela ba tshegeditse ngwao. Ga twe, a tlatsa mafoko a ka go supa gore fatshe jeno le agetswe mo ngwaong mme Batswana botlhe ba tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya bone. Re dumalane mme re re, mohumagadi o bua ka se se setseng se dirafala go le gale, fela o gatelela gore a re se tseye gore tema e wetse. Mafoko ke gore, a re se tseye gore re dirile go lekanye. Boemong jwa seo, a re nne re tlhagafalele go tsosa le go boloka ngwao.
“Justice should not only be done, but should manifestly and undoubtedly be seen to be done.”-Lord HewartHis decision was the correct one.The move neither proves guilt nor settles the serious allegations that have brought him to the doorstep of the Regional Magistrate’s Court.It does, however, recognise a basic principle of accountable government, that a minister facing criminal charges should not remain in a position that could create even...