Ke leo gape

Ga twe kwa Ngarange, motse mongwe wa kgaolo ya Okavango, go na le kgang ya bogosi. Potso e tlaa nna gore, kgang ke eng, le gore e tsositswe eng? Polelo e supa gore, kgang ke gore mo nakong eno, motse o ga o na kgosi.

Ga twe, Rre Tshosa Tsheko, yo e neng e ntse e le kgosi ya Nkarange, o ne a tlogela tiro ka ngwaga wa 2016. Go a bonala Rre Tshosa o ne a bona gore o setse a godile, le gore, ya gagwe tema o e weditse . Jaanong ka di nwa di dibosanya, a bona gore a sute foo go tsene mongwe le ene a iteke.

Ga nna jalo a suta mme go ya ka pego, ka ngwaga wa 2017, morafe wa tlhopha Rre Moheto Nyumba go thiba, bangwe ba re go kaba, phatlha/photlha ele. Rre Nyumba a tlhophiwa go tshwara maemo a a neng a ntse a tshwerwe ke Rre Tsheko. Polelo ya re, morafe o ne wa tlhopha Rre Nyumba ka o ne o bona a nonofetse tiro eo.

Editor's Comment
Let justice, not politics determine Salakae’s fate

“Justice should not only be done, but should manifestly and undoubtedly be seen to be done.”-Lord HewartHis decision was the correct one.The move neither proves guilt nor settles the serious allegations that have brought him to the doorstep of the Regional Magistrate’s Court.It does, however, recognise a basic principle of accountable government, that a minister facing criminal charges should not remain in a position that could create even...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up