Go ntse go tsweletse.
Re kopana gape le polelo nngwe ke eo, e supa fa e ne ya re e ntse e le ka yone kgwedi ya Hirikgong monongwaga, ga tshwarwa phuthego ya kgotla kwa Oliphant’s Drift kwa Kgatleng. Go kaiwa fa phuthego e, e ne e tshwerwe, bangwe ba re e ne e buisiwa, ke mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule. Bangwe gape, ba ditsala tsa rona, ba re motse oo, ke one Olifane. Gongwe ka fatshe leno le namile mme mafelo mangwe a lone ga re a itse, mongwe a botse gore mme ene Olifane yoo, tota o kae. Go araba yoo ba re, a a tseye tsela ke eo, e tswa mo Mochudi, e leba botlhaba e ya Sikwane. Gone koo, go molelwane wa Botswana le Afrika Borwa. Gape, gone foo, go motse o bidiwa Mmathubudukwane. Jaanong, fa a batla go ya Oliphant’s Drift, go tsela ke eo, e ralala motse o, e leba bokone mme a e wele. Ba re, a le mo go yone, o tlaa feta ka Ramonaka, a fete ka Malolwane. A se na go feta Malolwane, a tsene Oliphant’s Drift. Foo, mosepele o bo o wetse, a gorogile kwa polelo e reng mopalamente Mabuse Pule o ne a tshwara phuthego teng.Mme yone phuthego ya Olifaneya tsamaya jang?
Polelo e supa gore, gone koo, mafoko magolo a ga mopalamente ya nna go kgothatsa morafe go ema ka dinao o itirela. A supa gape fa go na le mananeo a a farologanyeng a puso a go leka go thusa Batswana go tlhatlosa, go tokafatsa, matshelo a bone mme manane0 a, a tshwanetse go dirisiwa. Fa, Rre Pule a bo a ne a setse Setswana morago fa se re motho ga a direlwe e se nama. Gongwe o botse gore yone nama e a bo e direlwa eng? Re re, nama ga e direlwe sepe, go bua jalo, e a bo e le go kgabisa puo fela. Re itse gore pele ga nama e apewa, e a segelelwa, bangwe ba re e a kgabetlelelwa, e dirwe ditoki, ditokinyana, gore e tle e butswe sentle. E re go dirwa jalo, go segelelwa, go kgebetlelelwa e nne gone fa Motswana a direla nama. Mme fa a re, motho ga a direlwe e se nama, a bo a raya gore, go itshetsa, go tshela sentle, motho o tshwanetse go ema ka dinao, a tshwara ka diatla, a itirela e seng go akanya, kana, go solofela gore motho mongwe, o tlaa ema a mo direle, ene a ntse fela, a thubile kobo segole. Go ntse jalo, botshelo bo bo bo ka tswelela pele jang? Bo nne thata mme mongwe a tloge a re o tshela ka bosesane. A bua jaana a lebala gore motho o tshwanetse go tshela ka mohuhutso wa phatla e seng ka go thakgalala le ka go thuba kobo segole.