A re sedikologe

E rile kgwedi eno ra newa ke pula e e monate, e bangwe ba tlaa reng, e ne e le namagadi. Kwa ntle ga merwalela e e neng ya bolelwa fale le fale, pula e, e ne e didimetse. E ne e se na dikgadima, ditladi le fa e le diphefo dipe tse di senyang.

Ya na, lefatshe la utlwa, la koloba, dinwelo tsa tlala. Dingwe ya re le fa di sa tlale, gone mme tsa gatlha. Ra itumela ra bona gore Morena o re gopotse.

Eo, e ne e le pula ya kgwedi eno. Mme jaaka re itse, ga se gore pula yotlhe e na jalo. Go na le pula e e a reng e na, e tle ka diphefo tse di bogale.  E re pula e, e se na go feta, batho bangwe ba lele, e ba senyeditse thata; e rutlolotse matlo, mangwe e a digile.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up