A re se lebale
Friday, March 22, 2019
Ba a bo ba raya gore, metse eo, e na le motlakase, fa mo ga bone gone motlakase o se yo. Ba bangwe ba re, ba tshela ka go kolobetsa kgokgotsho ka mathe; ke gore, motse wa bone ga o na metsi, ba bolawa ke lenyora. Bangwe ba re mo ga bone ga go na ditsela, mo go leng teng, ke mebilana fela. Bangwe fale ba re ga ba na dikole, bana ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare. E re puso e araba e re, tse tsotlhe ke ka gore, ga go na madi, kana, mo go leng teng ga go ka ke ga kgona go dira dilo tsotlhe nako e le nngwe. Go twe, batho ba se itlhoboge, ba nne ba solofetse gore, nako nngwe, sengwe se tlaa dirwa. Batho ba lete, mme bangwe ba felele ba letile lefifi. Ba bangwe go se ke go nne jalo, bone e re morago ba bone sengwe.
Gompieno re utlwa fa kwa Serinane, mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, go agiwa madirelo a molora, se, e le tsela nngwe ya go tlhabolola motse oo, le kgaolo e o mo go yone. Re utlwa gore, e rile ngogola mopalamente wa kgaolo ya Lephepe-Letlhakeng, a tshwere phuthego kwa Serinane, gone kwa madirelo a agiwang teng, molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng a bolela fa madirelo ao, e le mangwe a madirelo a matona mo motseng oo, le mo go yone kgaolo, e bile e le one a mohuta oo fela lefatshe leno lotlhe. Mme fela, go bonala madirelo a, a ne a se ka a agiwa, a felela nako e le nngwefela. Ga twe kwa phuthegong eo ya mopalamente, morafe o ne wa lela ka gore, ka nako eo, madirelo a ne a se na motlakase, a se na metsi. Go bolelwa gore, e rile go araba selelo se, molaodi wa kgaolo a bolela fa metsi le motlakase di ne di le gaufi le go goroga ka go ne go setse go kopanywe le ba lephata le le lebanyeng gore tseo di tle di bonale.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...