A re se dire re itsapa

Motse wa Mmatshumo kwa Boteti, o bolelwa e le mongwe wa metse e e metsi a letswai. Re itse fa metsi a, a se monate go nowa. Mo mafelong mangwe, a nna letswai thata, a nne botlhoko, batho ba palelwe ke go a nwa.

E re boemong jwa go nowa ke batho, a nowe ke loruo. Mo go a mangwe mafelo, botlhoko e nne bo bo ka lekwang. Tota e se gore batho ba a rata, ba dirwa fela ke gore, ga go na ape metsi a a botoka. Go lebega go ntse jalo kwa Mmatshumo.

Ka ngwana o sa leleng o swela tharing, go begwa fa e rile bosheng, morafe wa Mmatshumo wa lela ka metsi a a letswai a. Go begwa fa selelo se, se ne sa tswa mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo gone kwa Mmatshumo.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up