A re go tsaya eng? (5)

Fela jaaka Motswana a setse a boletse gore tema go lala ya setshwakga, ga e re a natetsha Setswana a latlhelele, kana, a itsape. O dira jang? O a tiisa, a tiye moko, a tsenye marapo dinameng mme se loye, se natefe Setswana se nne sone. Gompieno ke yoo re kopana nae a re go na le go tsaya tsela. Gone fa, e re mongwe a sa tlhaloganye a bo a ka botsa gore ka selo fa se tsewa, se tsewa fa se leng teng se isiwe golo gongwe go sele?

E nngwe potso e bo e ka re e le eo e tsewa tsela, e tsewa jang ka re tlwanetse go tsaya, go tshwara, dilo kgotsa e a sikarwa kgotsa e rwalwa jaaka dinawa tse Setswana se reng o sedige wa di tlatsa kgama di sena morwadi; ke gore motho yo o tlaa dirwalang. E nngwe potso e bo e ka tla gape ya botsa gore mme e le (esengele) eo tsela, e isiwe kae?

Karabo e re ga e tsewe e isiwa gope tsela eo, yone e tsewa ke motho gore e mo ise golo gongwe kwa a yang teng. Eo potso e fetile, go bo go ka tla e nngwe e botsa gore ka gale re tsaya, tshwara, dilo ka diatla, tsela yone e tsewa jang? E re a jaaka selepe e a sikarwa, kana e belegwa jaaka ngwana yo ba reng a sa leleng o swela tharing. Mme e re  gwana a lela Mokotedi a mo gakaletse selelo a re a lele thata a se tloge a swela tharing. Go se ke go nne monate. Gape, a kana tsela eo e tsewa ka go rwalwa jaaka dinawa tse Motswana a reng o seke wa di tlatsa kgama di se na (e seng sena) morwadi. Go araba potso ya go re tsela eo, e tsewa ke mang a isa kae, re re e tsewa ka go tsamaya e tsewa ke motho yo o tsamayang mo go yone, kgotsa, ka yone mme a sa e ise gope, e le yone e mo isang golo gongwe kwa a yang teng. Ka selo fa se tsewa se tsewa se isiwa golo gongwe fa, se ke go twe tsela e tsere motho mme motho a bolelwe e le ene a tsayang, tsereng tsela, se e le fela ka motho ke ene a tsamayang mo tseleng eo, e mo isa kwa a yang teng.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up