A re go tsaya eng? (2)

E a re re ntse re beile tsebe, ke gore, re reeditse ka kelotlhoko gore o nne a se natetshe jang Setswana, Motswana, go tle le lengwe lenatetshapuo, le le reng go tsaya kgato.

Gone fa, gongwe dipotso di bo di ka tla ka go latelana di botsa gore kgato eo, ke eng, e tsewa kae, gape, e tsewa jang. Go araba potso ya gore kgato ke eng, re atamele Thanodi go re thusa mme yone e re kgato ke tshwetso ya mogopolo.

Gongwe o fetele pele o botse gore e le tshwetso ya mogoolo jang? Karabo e re motho o a tle a batle go dira sengwe mme a ise a nne le mogopolo wa tlhomamo gore tota se a batlang go se dira seo ke eng mme a simolole go akanya thata ka sone, a tlelwe ke megopolo e mentsi, dikakanyo tse dintsi, ka sone.  Dingwe tsa dipotso gongwe megopolo e e mo tlelang e ka nna gore tota sone se a batlang go se dira seo ke eng, gape, o se dira kae. Mme go se ke go felele foo.

Editor's Comment
Let justice, not politics determine Salakae’s fate

“Justice should not only be done, but should manifestly and undoubtedly be seen to be done.”-Lord HewartHis decision was the correct one.The move neither proves guilt nor settles the serious allegations that have brought him to the doorstep of the Regional Magistrate’s Court.It does, however, recognise a basic principle of accountable government, that a minister facing criminal charges should not remain in a position that could create even...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up