E tlaa a re re ise re ye gope kgakala re re, re khutsa ka mangole, re suga diatla, ka jaana mosepele ole wa Labotlhano yole, o o neng o re Go tsaya kgato (2) ga o a ka wa gata jaaka re a tle re nne re gate.
Gongwe o botse gore o ne wa gata jang? Karabo e re, ka gale re simolola ka go botsa potso e e leng yone modi wa kgang. Morago ga potso eo, go latele karabo e yone e leng moko wa kgang. Mme maloba jaaka re setse re supile, ga se ka ga nna jalo. Mme ga nna jang? Re ne ra bona go se na epe potso go re bulela tsela. Gongwe potso e tle e re e le eng go ne ga direga jalo? Gone fa, re re ga go na epe karabo ya tlhomamo. Go bonala fa ka tsela nngwe mogopolo o ne wa eta, wa latlhega mme le monwana wa o sala morago. Ya bo e le gone fa di sa goga jaaka gale. Go ntse jalo ka e ne e se ka bomo, (e seng kabomo) jaaka bangwe ba tle ba kwale,re tlaa re, re khutsa ka mangole, re suga diatla, seo e le go kopa maitshwarelo. A e ne modiga. Eng? Pula. Go bua jalo Motswana a re a bo a ikoba, a rapela tota gore a itshwarelwe ka phoso o a bo a e dira ka bomo, o a bo a latlhilwe ke sengwe, kana, ke mongwe. Mme le rona re ntse ra re ga re itse gore re ne ra latlhwa ke eng, ke sone se re reng mogopolo o ne wa eta mme ra latlha tsela ya gale ra tsaya e sele. Go diregile phoso jaaka re bonye Motswana a re mohudi ga go fose wa tlhobolo fela a raya gore motho mongwe le mongwe o kgona go dira phoso, kana, phoso e tsetswe le motho. Yo mongwe fale ene a re there is no effort without error. A otlhe mafoko e nne nnete. Re fete foo, re gogele pele re re lenatetshapuo le la go tsaya kgato, fela jaaka la go ja boroko, ga le tlhaloso nngwefela. Fela jaaka la go ja boroko le ditlhaloso pedi go ya gore go buiwa ka eng, kana, kgang ke eng.
Jaanong go supa pharologanyo eo, re boele morago re re, nako ele re ne ra bona Kgabutle a huduega maikutlo, a feretlhega mogopolo, a ipotsa gore o ka dira eng go babalela dipodi tsa gagwe ka dibatana, phiri le phokoje, di ne di tlhasetse di senya. Gone fa a ipotsa gore o ka dira eng go babalela loruo lwa gagwe. Dikakanyo le megopolo ke tseo tsa mo tlela di le dintsi thata. Gare ga tseo tsotlhe ra bona a ya le mogopolo o o neng o re a age lesaka le le tona le le thata mme dipodi tsa gagwe ka nako epe di se bolole, di nne fela moo. Gone fa, mogopolo o bo o wetse a sa tlhole a ipotsa dipe dipotso ka go babalela loruo lwa gagwe. Mogopolo e le oo, o wetse a tshwanelwa ke go tsaya kgato. Ke gore go dira se mogopolo o neng o se mo raya. Ka ke foo re utlwile bontlha bongwe jwa tlhaloso ya go tsaya kgato, a jaanong re lebe ka ntlha e nngwe go utlwa gore godimo ga go dira se mogopolo o neng o se mo raya motho gape o ka tsaya kgato ka lebaka lefe, kana, go dirafetse eng. Gone fa e le sekai re re, letsatsi lengwe ke lele, jaaka gale, tsa bolola dipodi tsoora Sedikwa se Motswana a reng se dikilwe ke ntsa pedi ga se thata. Tsa tswa tsa ya mahulong a tsone a gale. Ka e nele pula, tsa tlhola koo di tlolaka le naga di selasela. Le setse le lebile go wela le tsone tsa wela tsela go leba sakeng.