A re go ja eng? (16)
Friday, May 14, 2021
Mme le fa namane ya yone e anywa, e anywe e kgore, e tloge e karagane. Jaanong e ne ya re maloba ra re mosepele wa o moleeleele ole wa go ja… o a wela. Re sena go bua jalo, sengwe sa rothegela mme ra bona o sa ntse o ka ya pele. Go ntse jalo, re re, mosepele o, o tshwana le kgomo e le segamo. Gone fa, a re re Diboetse o a anywa o anywa kgomo morokotso. O morokotso jaaka re bona ke wa kgomo, masi a a tswang morago ga kgomo e sena go gangwa e seng wa dipolokelo tsa madi o e reng o botsa bana ba malatsi ano gore morokotso ke eng, ba re ke interest. Nnyaa, rona ga re bue ka oo. Re bua ka o e tlaa reng Diboetse a sena go gama Sekaletletse a o anywe. Gone fa, gongwe o re, ka ke foo re ne ra boela morago go tla go anywa morokotso, oo wa rona ke ofe? Re re wa mosepele wa rona morokotso ke sekapuo se se reng go ja bothitho. Gongwe o re jone bothitho e le eng? Go go araba re okomele Thanodi mme e re bothitho ke seemo sa go se serame. Gape e re ke bololo. Re dumalane le Thanodi re re go ntse jalo. Re sa itse gore a wena o tlaa dumalana le rona.
Go le jalo, gongwe e nngwe potso e bo e ka botsa gore bothitho bo jewa jang. Karabo e re bothitho bo jewa ka ditsela tse di farologanyeng. Motho o ka ja bothitho ka a apere diaparo tse di bothitho jaaka baki, jase, kobo, go ithibela go tsenwa ke serame, kana, go sitwa. E re yoo a apere jalo, yo mongwe a apere mo gontsi e ntse e le fela go ithibela go sitwa, Gape motho a je bothitho ka o mo, fa lefelong le le bothitho jaaka fa isong, kana, fa tlase ga molelo. A le foo, ka ga a babalelwe ke serame, a re o ja bothitho, mme go nne gone. A tlhe Titielo a utlwe Tatlhegelo a bua jalo, a re o ja bothitho mme a kope gore a mo nathele. O tlaa dira jang?
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...