A re go ja eng? (12)

Seane ke seo sa re, se  sa feleng se a tlhola se raya gore sengwe le sengwe se na le nako ya gore se fele, kana, se khutle. 

Jaanong le fa mosepele o wa go ja……o ntse o ya pele jaana, re dumela gore e tlaa tla nako ya gore o wele, kana, o khutle, o fele. Go nne jalo o wele. E le oo, o wetse le rona re bone go ikhutsa, boikhutso. Mme ka letsatsi leo, ke leo, ga le ise le goroge, re ntse re lekela pele. E lele foreselaga mme re re, e tlaa re Motswana a ntse, a natefisa Setswana a re go na le go ja tlala. Gongwe o botse gore e le eng go jewa tlala? Gape yone tlala eo, e jewa jang? Go go araba a re e le ka gore go a bo go se na dijo. Ke gore ka lebaka lengwe, kgotsa, mabaka mangwe, go se na sepe se se ka jewang. Gone fa, a re ntshe sekai re re, ke yoo Sehudula o dikile a lemile. Ke ao a mo rata mabele, ya a rwala tshimo ya gagwe. Go bona e a rwele jalo, a itumela thata a dumela gore o tlaa dika a tladitse difalana le disigo. A tloga a a bona kae? Gape, e le kae thaga? Ya tla ya re, ‘Nna ke thaga ke fano.’ Ya a a ja. Sehudula o kile a re o a kuakuetsa a leta, a e koba, ya pala nonyane ya re, ‘Nna ke thaga fano ga ke tswe, ke a ja. Eo kgang ya gore moletathaga o ja natso, fa di e ja ka fa, ene o ja ka kwa, ga ke mo go yone. Ke tswa ke jele, tema e bonala. Ga ke fofele lefela ke a ja ke a  tswa. Gore moletathaga le mong wa tshimo ba sala ba a ja eng, eo kgang ke ya bone.’ Ya bo e le fa e padile nonyane. Ga nna fela jalo. Ya tla nako ya go roba. A roba, a photha Sehudula mme a di bona kae difalana le disigo tse a neng a di solofetse? Boemong jwa tseo, a bona thobo fela e e seng ya sepe. E re a itekodisa ditsala a re o ne a lemile a re o a itemela nteko o lemela nonyane, o lemela thaga. Fa ba mmotsa gore o raya jang, a re o ne a tsoga moso le moso a ya tshimong a ya go leta mme thaga ke eo le yone ya lepalepana nae. A re e tsogele koo, e tlhole koo, e e ja mabele mo a neng a felela a itswela fela.  A fetele pele a re o bona fa go lema ga gagwe e ne e le matsapa a lefela fela ka ga go a mmusetsa sepe.

Jaanong ka letsatsi lengwe ke leo, Morogwana a tsena kwa ga Sehudula a mo jetse nala. Ke bao ba tlhola mmogo e le ditlotlo fela go sa jewe sepe mme yo wa moeng ene a gabagabega a batla dijo. Fa e setse e kete o tlaa itlhoboga gore ga go ke go jewe sepe bana ke bao ba tla ka megotswana, megopo e mennye, mme ba mo naya wa gagwe.  A leba mme a bona mo teng e se dijo dipe tse dintsi tse a neng a di solofetse.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up