A re go ja eng? (10)
Friday, March 12, 2021
Gore a tsatsi jeno mosepele o o a wela, kgotsa, o sa ntse o tlaa tswela pele ga re itse. Fela re gatele pele re re, e a re Motswana a ntse a natetsha puo a fete ka go ijesa dijo tsa ditoro mme gape a re go na le go jesa motho dijo tsa ditoro. Fa, motho ga a ijese o a jesiwa. Go supa pharologanyo ya go ijesa le go jesiwa a re boele fa morago fale re re nako ele re ne ra re lengwe la manatetshapuo ke la go ja dijo tsa ditoro mme gape ra re le, le farologana le manatetshapuo a mangwe ka ga le tlhamalale la re motho o ja dijo tsa ditoro.
Go na le go tlhamalala le re motho o a ja, la re motho o ijesa dijo tsa ditoro. Le raya eng? Le raya gore motho o eletsa sengwe se e leng gore tota go thata gore o ka se bona, kana, a se itirela. Yone nako ele, e le sekai, ra bona basimane ba eme fa tlase ga tsela ya Letloping le Khudiring.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...