A re bitse mafoko ka botlalo

Polelo nngwe ke ele e supa gore e ne ya re ka kgwedi ya Motheganong monongwaga, Mme Dorcas Makgatho, tona ya dipalamo le ditlhaeletsanyo, e bile e le mopalamente wa Sefhare-Ramokgonami, a etela kgaolo ya gagwe. A le koo, a tsena ka metse ya Ngwapa, Mokobeng, Moshopha, Letloreng, le machaneng, a tshwara diphuthego go lekodisa morafe ka tsa lephata la gagwe. Mme ga tsamaya jang?

Ga twe tona o ne a supa fa tiro ya lephata la gagwe e le go gokaganya lefatshe leno le mafatshe a mangwe ka tsa amranyane. A supa gape gore puso e tshwere ka thata go bona gore maranyane ao, a nna one, a a dirisiwa. Godimo ga moo, tona a bolela fa lephata la gagwe le neilwe boikarabelo jwa go gokaganya metsi, motlakase, le ditlhaeletsanyo tsa maranyane, se e le go leka go tlhamela Batswana ditiro. A e nne mafoko a a monate ka gore, tse tsotlhe, fa di ka tswelela tsa dirwa sentle Batswana ga ba ke ba itse lenyora, ga ba ke ba itse lefifi, le go tlhaeletsanya ba ka tlhaeletsanya motlhofo ka maranyane ao, go sa re sepe gore ba katoganye go le kae. Mme se, se kgaole matsapa a gore fa motho a batla go bua le yo mongwe, a mo rwalele ditlhako, a mo latele kwa a leng teng. Gongwe go bo go fetole puo e e reng mafoko a matlhong jaanong e nne mafoko ke go tsaya ka tsebe.Go twe fela fa yole a a go tsentse ka tsebe, a le kwa a leng teng, go siame.

Go ya ka polelo ele, tona a fetela pele a bolela fa kgaolo ya gagwe e filwe boikarabelo jwa go lebagana le temo ya nosetso ka fa tlase ga lenaneo la Special Economic Zone le e reng ba le tlhalosa ka Setswana ba re ke la magoboka a ditirelo. Go utlwala fa mogopolo ka lenaneo le e le go leka go tswakanya itsholelo go na le go baya mo go reng itsholelo ya lefatshe leno e ka nonotshiwa fela ke ditswammung. Ba re, tseo di a fela mme temo thuo yone e ka belega Batswana go ya go ileng. Go twe, re le Batswana, a re emele temo thuo ka dinao. A, e nne e nne mafoko a a monate mme a tiise bangwe moko ba dire jalo. A re lete re bone gore ka ke leo le dule lenaneo, go tlaa nna jang kwa Tswapong. Go bua jaana, ga se go ba kgoba marapo ke gore, a di tiise, di gogele pele, mosepele o se felele nageng. Re utlwa fa a ne a fetela pele tona jaanong a bua ka tse di sa tsoseng kgaolo ya gagwe. A supa gore, o tlhaloganya dikgang tsa kgaolo tsa go tlhoka metsi, motlakase, ditsela, le tsa dikole. Mme a re, o tsweletse o itebagantse le tse ka bongwe ka bongwe. A re solofele gore e tlaa re go leta, ba felele ba bona se ba se letileng, ba se ke ba lete lefifi ba ga rona kwa Tswapong. Re re, a e re ba letile, ba inametse ka gore, ‘Tsholofelo ya pelo ga e tlhabise ditlhong.’

Editor's Comment
Watch your tongue Mr President

While his leadership has brought about significant progress and development, it is imperative that he exercises greater caution in his choice of words, particularly when addressing sensitive matters.One of the primary concerns is the potential impact of his remarks on Botswana’s relationship with De Beers, the diamond mining giant that plays a crucial role in the nation’s economy.The partnership between Botswana and De Beers has been mutually...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up