A mafoko ao a kgaogane

E tlaa re gompieno re boele morago re bue ka polelo ele e ka yone re neng ra utlwa fa go kile ga tshwarwa phuthego ya kgotla kwa Oliphants Drift.

Phuthego eo, e kaiwa e ne e tshwerwe ke mopalamente wa Mochudi Botlhaba Rre Mabuse Pule. Gone koo, ga bonala fa mafoko magolo a mopalamente e ne ya nna go kgothatsa morafe go ema ka diano o itshwarela ka diatla e seng go baya gore puso e tlaa ba direla tse tsotlhe; e ba direle sengwe le sengwe. A bo a setse a boletse Motswana a re, ‘Motho ga a direlwe e se nama.’ Go sale foo, a tlatse ka gore,’Phokoje go tshela yo o dithetsenyana.’A re, ‘Se itebe dinala, ema o itshwarele ka diatla botshelo bo tle bo go thamele.’ E nne nnete. O ka di bona kae o thubile kobo segole, mometso one o batla gore di tsene mo ganong, di fete, di wele kwa mpeng, wena o ntse fela? Go nne thata le tse dingwe ditiro di bo di ka nna tsa pala ka pelesa, e belesa ka mpa fa tsie yone e fofa ka moswang.

Maloba  re ne ra ultwa fa a ne a fetela pele mopalamente a supa fa puso e na le mananeo a a farologanyeng a go tlhatlosa Batswana. Go ya ka polelo mananeo  a Rre Pule a neng a a umaka ya nna a go thusa mo temothuong, go tsena dikole, go tlhabolola masimo, le go fefosa phetolo ya tiriso ya lefatshe. Go ntse jalo, re re, ke eo e butswe tsela, a mosepele o tswele pele botshelo e nne bone. Mme godimo ga tsele, ga twe, Rre Pule a bolela fa Tautona a ba romile go tsamaya lefatshe lotlhe ba lebogela Batswana go bo ba ne ba tlhopha ka kagiso le thokgamo. Fa, mopalamente a bo a ne a bua ka ditlhopho tsa setshaba tsa ngogola. A bo a setse a boletse Motswana a re mahura a ngwana ke go rongwa, a raya gore, ngwana o tshwanetse go rongwa, a ema, a direla batsadi. E seng gore batsadi ba nne babotlana ngwana a le teng. Nnyaa, moo e bo e se gone.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up